Baagi ba gakololwa go dirisa metsi ka mokgwa o siameng

Ka Salang Motsepe

Thulaganyo ya go phepafatsa metsi kwa kgaolong ya Temba ekwa Tshwane esimolotse go dira ka botlalo morago ga go feleletsa ga go baakang wa ga pompo ya yone ya bobedi ya metsi a satlhotlhiwang.

Thulaganyo eno ene e ntse e dira ka bokgoni jo bo fokoditsweng fa e sale go kgaoga motlakase kwa lefelong le le ntshang metsi a a sa tlhotlhiwang pelenyana. 

Polante eno e ne e bereka ka pompo e le nngwe fela yametsi a a sa tlhotlhiwang. Le fa go ntse jalo, fa go sena go baakanngwa, dipompo tseno ka bobedi di ka kgona go fepa karolo ya lefelo la go phepafatsa le le mo lefelong leno. Mmueledi wa Toropokgolo ya Tshwane, SelbyBokaba, o rile matamo a a mo lefelong a supa koketsego e kgolo mo maemong a metsi.

‘Tlhagiso ya jaanong ya metsi ke di mekalitara dile-60’ ka letsatsi. Mme matamo a a mo lefelong leo a bontsha gore selekanyo sa one se oketsegile thata. Baagi ba gakololwa go tswelela ba dirisa metsi ka tekatekano gore thulaganyo eno e kgone go dira ka botlalo’