Ratoropo wa Mmasepala wa Selegae wa Moretele, Masango Manyike, o akgoletse mapodisi a Makapanstad mmogo le Hawks Directorate for Priority Crime Investigation ka tiro ya bone e e rulaganeng e e dirileng gore go tshwarwe babelaelwa ba le barataro le go bonwa ga diritibatsi tse di jang dimilione kwa kgaolong ya Thulwe ebkwa ntlenyana ga Makapanstad.
Tiro e e atlegileng, e e dirilweng ke setlhopha sa Dipatlisiso tsa Bosenyi jo bo Tlhomologileng jwa Hawks mmogo le Counter-Narcotics and Gangs (Western Cape), e ribolotse laboratori ya sephiri ya go dira mandrax mo tshimong e nnye kwa Thulwe, e kwa bokone-bophirima jwa Maubane.
Ratoropo Manyike o ne a akgola boineelo le kelotlhoko e e bontshitsweng ke ditheo tsa tiragatso ya molao, a bolela gore maiteko a bone a supa go ema ka thata kgatlhanong le ditiro tsa bokebekwa tse di tshosetsang pabalesego le boitekanelo jwa baagi ba Moretele.
⁇ Kgatelopele eno ke molaetsa o o popota wa gore go dirwa le go anamisiwa ga diokobatsi tse di seng ka fa molaong ga go kitla go letlelelwa mo mmasepaleng wa rona. Re lebogela go tsibogela ga bone ka bonako le tirisanommogo ya bone le mapodisi a lefelo la rona. Tiro ya bone e thusa go sireletsa baša le baagi ba rona mo ditlamoragong tse di maswe tsa diritibatsi, ” go ne ga rialo Ramotse Manyike
Kgetsi kgatlhanong le babelaelwa ba le barataro, Victor Hlakwane, Justice Mashiyane, Kennedy Wilson Mashele, Jabulani Khumalo, Louis Lesley Senye le Ananias Monani e tlhageletse kwa kgotlatshekelo ya Magiseterata ya Moretele, e buseditswe morago go fitlha ka 17 Sedimonthole 2025 ka ntlha ya tshedimosetso ya go dira diprofaele le go ntsha beile. Mme Ba buseditswe kgolegelong.
