Batho ba bangwe ba babedi ba ba belaelwang, ba dingwaga di le 31 Mduduzi Masango le 27 Steven Mthombeni, batshwerwe ke mapodisi kwaSiyabuswa ka ntlha ya go tshubiwa ga dibese tsa-Putco kwa Kgaolong ya Nkangala dibeke di le pedi tse di fetileng.

Palogotlhe ya batho ba ba belaelwang ba ba tshwerweng go fitlha jaanongkebalebane.

Batho ba ba belaelwang ba ne ba latofadiwa ka go senya dithoto ka boomo.

Ditshwaro tsa setlhopha se se abetsweng tiro eno di dirilwe jaaka karolo ya dipatlisiso tse di tsweletseng mo tiragalong e e diragetseng ka 28 Ferikgong 2025, fa dibese di le mmalwa di ne tsa tshubiwa ka molelo. 

Go dumelwa gore batho ba ba belaelwang ba ne ba nna le seabe mo tlhaselong e e rulagantsweng ya dibese, ba baka tshenyo e kgolo mo dikoloing e bile ba tsenya pabalesego ya sethaba mokotsing. 

Go solofetswe gore dintlha tse dingwe tse di malebana le go nna le seabe ga bone mo bosenying jono di tla senolwa fa tsheko e ntse e tsweletse.

Modulasetilo wa Porofense wa SAPS kwa Mpumalanga, Major Zeph Mkhwanazi, o amogetse go tshwarwa le Kgatelopele e e dirilweng. “Setlhopha seno se dira ka natla go tlhomamisa gore batho botlhe ba ba amegang mo kgetsing eno ba ikarabelela ditiro tsa bone. Go tshwarwa ga babelaelwa ba bangwe ba babedi ke kgato e e botlhokwa ya go fitlhelela tshiamiso le go boloka molao le tolamo mo porofenseng,” ga rialo General Mkhwanazi.

Babelaelwa bababedi, Mduduzi Masango wa dingwaga tse-31 le Steven Mthobeni wa dingwaga tse-27, baneba tlhagelela fa pele ga kgotlatshekelo ya Magiseterata yaMdutjana kwa-Siyabuswa, mmebababedibanobaneba tlhatlhelwa mo kgolegelong mme ba tla kopana le babelaelwa ba bangwe ba babedi fa ba tlhagelela kwa kgotlatshekelo, gore bakgone godira kopo ya go gololwa ka beile.