By Salang Motsepe

Phetogo ya tlelaemete e sa ntse e le bothata jwa boditšhabatšhaba e bile e tshwenya balaodi.

Gape e fetola tsela e bontsi jwa rona re tshelang ka yone. Go tlhatloga ga themperetšha le gone go ka nna le seabe se segolo mo matshelong a rona le mo boitekanelong.

Gape dithemperetšha tse di kwa godimo di ka dira gore motho a nne le malwetse a a farologaneng a a jaaka letsapa le le tseneletseng le letshololo. Go fetoga ga tlelaemete go bontsha gore go ka direga thata gore go nne le malwetse a mangwe a leroborobo, ka gonne fa dithemperetšha di ntse di tlhatloga, diphologolo di ka nna tsa fetola mekgwa ya tsone.

Gape dithemperetšha tse di kwa godimo di ka dira gore go nne le diphefo tse di maatla tsa matsubutsubu, tse di ka nnang tsa tsenya matshelo a batho le dikago tsa motheo mo kotsing.

Ka nako nngwe maloko mangwe a setšhaba a a nnang kwa metseselegaeng a ne a bolela gore ditshenyegelo tsa botshelo di ntse di oketsega ka ntlha ya dikotsi tse di amang tikologo. Gape ba ne ba gatelela ntlha ya gore phetogo eno ya tlelaemete e amile boitekanelo jwa bone ka go ama dijo, mowa o ba o hemang le metsi a ba a nwang. Batho ba ba amegang thata ke bana, basadi ba ba imileng, bagodi le batho ba ba humanegileng.

Balemirui ba selegae ba ne ba bolela gore puso e tshwanetse go tlhoma mekgwa ya go itshireletsa le gore e ipaakanyetse maemo ano a bosa a a fetogang ka bofefo.

Ditlamorago tsa go fetoga ga tlelaemete di tla farologana go ya ka gore batho ba kgona go fetoga jang. O ne a re leroborobo leno la tlelaemete le tshosetsa madirelo a temothuo; Re setse re itemogela matsubutsubu, maemo a bosa a a feteletseng, merwalela jaaka go itemogetswe kwa dikarolong tse dingwe tsa naga jaaka KwaZulu-Natal, Kapa Botlhaba, Limpopo le Mpumalanga.

Le fa go ntse jalo, ga se mafelo otlhe a a tla amiwang ke seno; mo diporofenseng tse dingwe, go fetoga ga tlelaemete go setse go baka komelelo e kgolo ka ntlha ya mogote o o feteletseng.

Sekolo se sentswe ke ditlamorago tsa maemo a bosa a a maswe thata jaanong e nna selo se se diragalang ka metlha mo aforikaborwa

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *